Wikipedia tnwiki https://tn.wikipedia.org/wiki/Main_Page MediaWiki 1.39.0-wmf.21 first-letter Media Special Talk User User talk Wikipedia Wikipedia talk File File talk MediaWiki MediaWiki talk Template Template talk Help Help talk Category Category talk TimedText TimedText talk Module Module talk Gadget Gadget talk Gadget definition Gadget definition talk Motsana wa Lerala 0 3487 26781 23740 2022-07-24T07:43:34Z Rebel Agent 9072 /* Dikgoge tsa kwa ntle */ wikitext text/x-wiki {{Location map|Botswana|lat=-22.7804|long=27.77697|caption=Location of Lerala}} Lerala ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motsana o o dikhilomethara tse di masome a mararo go tsweng kwa nokeng ya Limpopo gape le molelwane wa [[Zimbabwe|Zimbabwe]] gape o ka nna dikhilomethara tse di masome a boferabongwe mo botlhaba jwa motse wa [[Palapye|Palapye]]. Palo ya batho ba Lerala e ne e le 5,747 palo bathong ya ngwaga wa 2001.<ref>{{cite web | url=http://www.cso.gov.bw/html/census/dist50.html | title=Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census | accessdate = 2008-01-20 |archiveurl = http://web.archive.org/web/20071124145441/http://www.cso.gov.bw/html/census/dist50.html <!-- Bot retrieved archive --> |archivedate = 2007-11-24}}</ref> Kompone ya kwa lefatsheng la Australia e e bidiwang, DiamonEx Limited, e akanya go bula moepo wa diteemane mo dikhilomethareng tse di lesome le botlhano mo bokone0bophirima jwa motsana wa Lerala. Leina la moepo le le itsegeng ka '''Martins Drift Diamond Project''' o tla bulwa ka tshimologo ya ngwaga wa 2008 gape o bo o tlhapa babereki ba le makgolo a mabedi le masome a mararo go ya kwa makgolong a mabedi le masome a boferabongwe go ntsha selekanyo se se akanyediwang sa {{convert|330000|carat|kg}} ngwaga.<ref>{{cite web |url=http://www.abnnewswire.net/press/en/44155/DIAMONEX-LIMITED.html |title=Diamonex Limited Acquires Kimberlite Pipes In USA |publisher=''ABN Newswire'' |accessdate=2008-01-20}}</ref><ref>{{cite news |last=Modikwa|first=Onalenna |url=http://www.mmegi.bw/2006/May/Monday22/236196382442.html |title=Production To Begin On Martins Drift Next Year |work=Mmegi Business Week |date=2006-05-22 |accessdate=2008-01-21}}</ref> Mo nakong e e fitlileng kompone e e kopanetsweng ya De Beers gape le puso ya Botswana ba ne ba direla fa gare ga ngwaga wa 1998–2001 moepo wa tshimolodiso wa diteemane gone kwa lefelong leo.<ref>{{cite web |url=http://www.gov.bw/cgi-bin/news.cgi?d=20011210&i=Lerala_mine_closes |title=Lerala mine closes |publisher=''Botswana Press Agency (BOPA)'' |accessdate=2008-01-20}} {{Dead link|date=October 2010|bot=H3llBot}}</ref> ==Setshaba se kutlwelobotlhoko ka 2016== Mokgatlho wa Royal Family Culture and Charity o abetse banni bangwe ba ba neng ba wetswe ke seru sa dipula tse di ileng tsa senya kwa motseng wa Maunatlala. Moeteledipele wa mokgatlho o, Rre Joseph Thakgathi, a re mokgatlho wa gagwe o itlamile go tswelela o abela malwapa a a tlhokang.A re Keresemose ke letsatsi le malwapa a a tlaa bong a kopane, mme a bone go tshwanetse gore malwapa a a tlhokang le one a nne le dijo le diaparo.Mokgatlho oo, o abetse malwapa a mabedi kwa Maunatlala dijo le diaparo ga mmogo le dingata tse di lesome tsa bojang gore ba kgone ba rulele matlo a bone a a ileng a rutlulolwa ke dipula le diphefo kgwedi e e fetileng.Rre Thakgathi a re ba dirile tiro e ba itebagantse le letshego la tebelopele ya 2016 la tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e babalelang. Mokgatlho oo itebagantse gape le go tlhabolola ngwao ka go rotloetsa mmino wa Setswana, le poko. Fa a tswa la gagwe, monni wa motse o, Mme Salome Lesole, yo le ene a nnileng le seabe mo go abeleng malwapa ao, o rotloeditse banni ba Maunatlala go nna le pelotlhomogi mo batlhoking. A re kutlwelobotlhoko e e tshwanetse go supiwa ke bone pele, e seng batho ba ba tswang kwa ntle. A re puso e sa ntse e le mo lesekereng la tlhaelo ya madi mme a kopa banni ba motse o go thusa go agela batlhoki.Kgosi wa motse oo, Kgosi Phopho Mapena, le ene o lebogetse mokgatlho oo ka go thusa malwapa ao ka dijo le diaparo. A re go a lebosega go bona banana ba tswa kgakala batla go supa kutlwelobotlhoko mo banning ba Maunatlala, bogolo jang ba ba ileng ba amiwa ke dibetso tsa tlholego ==Bapedi ba Mapulana ba ipelela letsatsi la ngwao== Ka Matlhatso, Bapedi ba Mapulan ba ne ba tshologetse kwa motseng wa Sefhare go ipelela ngwao ya bone.Letsatsi leo, le le le tshwarwang ngwaga le ngwaga, le ne le eteletswe pele ke mokgatlho wa Lentswe la Batswapong, o o itebagantseng le go rotloetsa ngwao le puo ya Sepedi.Fa a buisa Batswapong ka letsatsi leo, tona wa dipagamo le ditlhaeletsano, Rre Frank Ramsden a re go botlhokwa gore merafe e ipelele dingwao tsa yone.A re le fa ditso tsa merafe bontsi di kwadilwe, go botlhokwa go ipelela ngwao go ruta dikokomane le go di tsweledisa.A re merafe ya lefatshe leno e tshwanetse go itumelela popagano ka gore mo mafatsheng a mangwe semorafe ke sone se se tlang pele mme se tsale dikhuduego le dintwa.Tona Ramsden a re mo lefatsheng leno, le fa merafe e farologana ga go paledise gore merafe e kopane ka mekgwa epe.O akgotswe morafe wa Batswapong, a re se ba se dirang ke sone se puso e se rotloetsang gore morafe mongwe le mongwe o tshegetse ngwao le teme ya one, a re ke sone se puso e ileng ya tlhoma lephata la banana, metshameko le ngwao. Rre Ramsden a re go a itumedisa go bona merafe e e farologaneng e eme ka dinao go supa le go akola se ba leng sone, a re letsatsi le le lone le supa ka fa morafe wa Batswapong o ratang e bile o ipelela se o leng sone.A re kgaolo ya Disikalala ke nngwe ya mafelo a a humileng tlholego jaaka mantswe a a nang le metswedi ya metsi a monate jaaka Sefhare, Goo-Moremi le Borotsi, a tlatsa ka gore Tswapong ke lefelo le lentle le le kgatlhisang ka mantswe a lone.Fa a tswa la gagwe, moemedi wa kgaolo ya Disikalala kwa ntlong ya dikgosi, Kgosi Sello Moroka o akgoletse lekgotla la Lentswe la Batswapong go kopanya morafe wa Batswapong.A re se se supa fa Bapedi ba itemogile bogolo jang ka ngwao ya bone.Le fa go ntse jalo a re ngwao e a fetoga, e amiwe ke ditlhabololo mme a kopa Batswapong go tswelela ba tshwere ngwao ya bone gore e se ka ya ba latlhegela.A re ngwao ke yone e kgaphang batho mo ditseleng tse di sa siamang, mme fa morafe o sa ntse o tshwere ngwao, o ka tila go tsena mo ditseleng tse di sa siamang. Kgosi ya motse wa Sefhare, Kgosi Oteng Suping, o ne a tlhalosetsa morafe ka botshelo jwa Bapedi, a re Bapedi ba tswa kgakala e le balemi bogolo jang ka dipula di ne di na thata.O tlhalositse gape ka dijo tse di neng di jewa jaaka bogobe jwa lerotse, le diletso tse di neng di letswa ka nako eo.Letsatsi le le ne le ketekiwa ka dipina le maboko, mmogo le go etela mengwe ya metswedi e nnang e ela metsi. ==Banana ba Bapedi ba amogela mogopolo== Banana ba Disikalala Bokone ba amogetse mogopolo wa gore go okediwe dingwaga tsa banana go tswa mo go masome mabedi le boferabongwe go ya kwa go masome mararo le botlhano.Ba akgotse mopalamente wa Disikalala Bokone Rre Prince Maele, mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Lerala, Ratholo, Majwaneng le Manaledi, ba re dingwaga tse masome mabedi le boferabongwe di dinnye e bile di goroga ka nako e ba sa ntseng ba ise ba tlhaloganye dilo ka bontsi.Ba re ba ntse ba sa kgone go inaakanya le mananeo a puso a tshwana le la madi a banana a ba thusiwang ka one go ipulela dikgwebo.Bontsi jwa banana ba tlhalositse fa dikopo tsa bone di sa kgona go atlega ka ntlha ya dingwaga, ba re ba tsile go ititaya ka thupana gore ba kgone go akola lenaneo le.Fa mopalamente Rre Prince Maele a ba baya pele tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng, o ne a ba tlhalosetsa gore molao o o iteetswe legofi ke palamente, a re e bile o tlaa bewa monwana ka kgwedi ya Phukwi.A re banana ka bontsi mo kgaolong ya gagwe ba ntse ba lela ka kgang e, ya gore dingwaga di okediwe gore ba kgone go akola lenaneo la madi a banana. Le fa go ntse jalo, a re o sa ntse a tshwenyega ka banana ba kgaolo ya Disikalala bokone ka gore ba maoto a tshupa go tsenya dikopo go ipulela dikgwebo tse di tlaa ba thusang go itlhamela ditiro go inamola lehuma.O kopile batsadi go mo thusa seemo se ka go bua le banana kwa malwapeng, a re go a swabisa go bona banana ba ba ka bong ba tsholetsa kgaolo e, e le bone ba ba nnang fela mo bojalweng le mo borukutlhing. Rre Maele o kgothaditse banana go bula dikgwebo gongwe le gongwe kwa Disikalala, a re ba se ka ba ikganelela fela mo metseng e ba tlholegang mo go yone, a re ke gone mo go dirang gore dikopo tsa bone di se ka tsa atlega ka gore bontsi jwa bone ba batla go dira dikgwebo tse di tshwanang mo lefelong le le lengwe.Le fa banana bangwe ba ne ba kopa gore madi a ba thusiwang ka one a P100 000 a okediwe, Rre Maele a re go thata gore madi a okediwe ntswa banana ba sa ntse ba sa kgatlhegele go a tsaya.Le fa go ntse jalo, Rre Maele o lebogetse banana ba ba kgonneng go ipulela dikgwebo ka madi a banana go tshwara ka thata gore dikgwebo tsa bone di se ka tsa phuphama.O ba kopile go thusa ba bangwe ba ba sa ntseng ba palelwa ke go tlatsa difomo gore le bone ba kgone ba ipulele dikgwebo tse di tlaa thusang go tlhabolola kgaolo ya Disikalala bokone. ==Dikgoge tsa kwa ntle== * [[Botswana]] * [[Bobonong]] * [[Selebe Phikwe]] ==Dipadi tse dingwe. == <references></references> {{Reflist|2}} {{Botswana largest cities}} {{Coord|22|46|49|S|27|46|37|E|display=title}} [[Category:Kgaolo ya Legare (Botswana)]] [[Category:Metsana mo Botswana]] {{botswana-geo-stub}} rhd8m9ubn81qigtgclzihf2vskq02e2 26782 26781 2022-07-24T07:45:00Z Rebel Agent 9072 /* Metswedi */Phephafatso wikitext text/x-wiki {{Location map|Botswana|lat=-22.7804|long=27.77697|caption=Location of Lerala}} Lerala ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motsana o o dikhilomethara tse di masome a mararo go tsweng kwa nokeng ya Limpopo gape le molelwane wa [[Zimbabwe|Zimbabwe]] gape o ka nna dikhilomethara tse di masome a boferabongwe mo botlhaba jwa motse wa [[Palapye|Palapye]]. Palo ya batho ba Lerala e ne e le 5,747 palo bathong ya ngwaga wa 2001.<ref>{{cite web | url=http://www.cso.gov.bw/html/census/dist50.html | title=Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census | accessdate = 2008-01-20 |archiveurl = http://web.archive.org/web/20071124145441/http://www.cso.gov.bw/html/census/dist50.html <!-- Bot retrieved archive --> |archivedate = 2007-11-24}}</ref> Kompone ya kwa lefatsheng la Australia e e bidiwang, DiamonEx Limited, e akanya go bula moepo wa diteemane mo dikhilomethareng tse di lesome le botlhano mo bokone0bophirima jwa motsana wa Lerala. Leina la moepo le le itsegeng ka '''Martins Drift Diamond Project''' o tla bulwa ka tshimologo ya ngwaga wa 2008 gape o bo o tlhapa babereki ba le makgolo a mabedi le masome a mararo go ya kwa makgolong a mabedi le masome a boferabongwe go ntsha selekanyo se se akanyediwang sa {{convert|330000|carat|kg}} ngwaga.<ref>{{cite web |url=http://www.abnnewswire.net/press/en/44155/DIAMONEX-LIMITED.html |title=Diamonex Limited Acquires Kimberlite Pipes In USA |publisher=''ABN Newswire'' |accessdate=2008-01-20}}</ref><ref>{{cite news |last=Modikwa|first=Onalenna |url=http://www.mmegi.bw/2006/May/Monday22/236196382442.html |title=Production To Begin On Martins Drift Next Year |work=Mmegi Business Week |date=2006-05-22 |accessdate=2008-01-21}}</ref> Mo nakong e e fitlileng kompone e e kopanetsweng ya De Beers gape le puso ya Botswana ba ne ba direla fa gare ga ngwaga wa 1998–2001 moepo wa tshimolodiso wa diteemane gone kwa lefelong leo.<ref>{{cite web |url=http://www.gov.bw/cgi-bin/news.cgi?d=20011210&i=Lerala_mine_closes |title=Lerala mine closes |publisher=''Botswana Press Agency (BOPA)'' |accessdate=2008-01-20}} {{Dead link|date=October 2010|bot=H3llBot}}</ref> ==Setshaba se kutlwelobotlhoko ka 2016== Mokgatlho wa Royal Family Culture and Charity o abetse banni bangwe ba ba neng ba wetswe ke seru sa dipula tse di ileng tsa senya kwa motseng wa Maunatlala. Moeteledipele wa mokgatlho o, Rre Joseph Thakgathi, a re mokgatlho wa gagwe o itlamile go tswelela o abela malwapa a a tlhokang.A re Keresemose ke letsatsi le malwapa a a tlaa bong a kopane, mme a bone go tshwanetse gore malwapa a a tlhokang le one a nne le dijo le diaparo.Mokgatlho oo, o abetse malwapa a mabedi kwa Maunatlala dijo le diaparo ga mmogo le dingata tse di lesome tsa bojang gore ba kgone ba rulele matlo a bone a a ileng a rutlulolwa ke dipula le diphefo kgwedi e e fetileng.Rre Thakgathi a re ba dirile tiro e ba itebagantse le letshego la tebelopele ya 2016 la tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e babalelang. Mokgatlho oo itebagantse gape le go tlhabolola ngwao ka go rotloetsa mmino wa Setswana, le poko. Fa a tswa la gagwe, monni wa motse o, Mme Salome Lesole, yo le ene a nnileng le seabe mo go abeleng malwapa ao, o rotloeditse banni ba Maunatlala go nna le pelotlhomogi mo batlhoking. A re kutlwelobotlhoko e e tshwanetse go supiwa ke bone pele, e seng batho ba ba tswang kwa ntle. A re puso e sa ntse e le mo lesekereng la tlhaelo ya madi mme a kopa banni ba motse o go thusa go agela batlhoki.Kgosi wa motse oo, Kgosi Phopho Mapena, le ene o lebogetse mokgatlho oo ka go thusa malwapa ao ka dijo le diaparo. A re go a lebosega go bona banana ba tswa kgakala batla go supa kutlwelobotlhoko mo banning ba Maunatlala, bogolo jang ba ba ileng ba amiwa ke dibetso tsa tlholego ==Bapedi ba Mapulana ba ipelela letsatsi la ngwao== Ka Matlhatso, Bapedi ba Mapulan ba ne ba tshologetse kwa motseng wa Sefhare go ipelela ngwao ya bone.Letsatsi leo, le le le tshwarwang ngwaga le ngwaga, le ne le eteletswe pele ke mokgatlho wa Lentswe la Batswapong, o o itebagantseng le go rotloetsa ngwao le puo ya Sepedi.Fa a buisa Batswapong ka letsatsi leo, tona wa dipagamo le ditlhaeletsano, Rre Frank Ramsden a re go botlhokwa gore merafe e ipelele dingwao tsa yone.A re le fa ditso tsa merafe bontsi di kwadilwe, go botlhokwa go ipelela ngwao go ruta dikokomane le go di tsweledisa.A re merafe ya lefatshe leno e tshwanetse go itumelela popagano ka gore mo mafatsheng a mangwe semorafe ke sone se se tlang pele mme se tsale dikhuduego le dintwa.Tona Ramsden a re mo lefatsheng leno, le fa merafe e farologana ga go paledise gore merafe e kopane ka mekgwa epe.O akgotswe morafe wa Batswapong, a re se ba se dirang ke sone se puso e se rotloetsang gore morafe mongwe le mongwe o tshegetse ngwao le teme ya one, a re ke sone se puso e ileng ya tlhoma lephata la banana, metshameko le ngwao. Rre Ramsden a re go a itumedisa go bona merafe e e farologaneng e eme ka dinao go supa le go akola se ba leng sone, a re letsatsi le le lone le supa ka fa morafe wa Batswapong o ratang e bile o ipelela se o leng sone.A re kgaolo ya Disikalala ke nngwe ya mafelo a a humileng tlholego jaaka mantswe a a nang le metswedi ya metsi a monate jaaka Sefhare, Goo-Moremi le Borotsi, a tlatsa ka gore Tswapong ke lefelo le lentle le le kgatlhisang ka mantswe a lone.Fa a tswa la gagwe, moemedi wa kgaolo ya Disikalala kwa ntlong ya dikgosi, Kgosi Sello Moroka o akgoletse lekgotla la Lentswe la Batswapong go kopanya morafe wa Batswapong.A re se se supa fa Bapedi ba itemogile bogolo jang ka ngwao ya bone.Le fa go ntse jalo a re ngwao e a fetoga, e amiwe ke ditlhabololo mme a kopa Batswapong go tswelela ba tshwere ngwao ya bone gore e se ka ya ba latlhegela.A re ngwao ke yone e kgaphang batho mo ditseleng tse di sa siamang, mme fa morafe o sa ntse o tshwere ngwao, o ka tila go tsena mo ditseleng tse di sa siamang. Kgosi ya motse wa Sefhare, Kgosi Oteng Suping, o ne a tlhalosetsa morafe ka botshelo jwa Bapedi, a re Bapedi ba tswa kgakala e le balemi bogolo jang ka dipula di ne di na thata.O tlhalositse gape ka dijo tse di neng di jewa jaaka bogobe jwa lerotse, le diletso tse di neng di letswa ka nako eo.Letsatsi le le ne le ketekiwa ka dipina le maboko, mmogo le go etela mengwe ya metswedi e nnang e ela metsi. ==Banana ba Bapedi ba amogela mogopolo== Banana ba Disikalala Bokone ba amogetse mogopolo wa gore go okediwe dingwaga tsa banana go tswa mo go masome mabedi le boferabongwe go ya kwa go masome mararo le botlhano.Ba akgotse mopalamente wa Disikalala Bokone Rre Prince Maele, mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Lerala, Ratholo, Majwaneng le Manaledi, ba re dingwaga tse masome mabedi le boferabongwe di dinnye e bile di goroga ka nako e ba sa ntseng ba ise ba tlhaloganye dilo ka bontsi.Ba re ba ntse ba sa kgone go inaakanya le mananeo a puso a tshwana le la madi a banana a ba thusiwang ka one go ipulela dikgwebo.Bontsi jwa banana ba tlhalositse fa dikopo tsa bone di sa kgona go atlega ka ntlha ya dingwaga, ba re ba tsile go ititaya ka thupana gore ba kgone go akola lenaneo le.Fa mopalamente Rre Prince Maele a ba baya pele tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng, o ne a ba tlhalosetsa gore molao o o iteetswe legofi ke palamente, a re e bile o tlaa bewa monwana ka kgwedi ya Phukwi.A re banana ka bontsi mo kgaolong ya gagwe ba ntse ba lela ka kgang e, ya gore dingwaga di okediwe gore ba kgone go akola lenaneo la madi a banana. Le fa go ntse jalo, a re o sa ntse a tshwenyega ka banana ba kgaolo ya Disikalala bokone ka gore ba maoto a tshupa go tsenya dikopo go ipulela dikgwebo tse di tlaa ba thusang go itlhamela ditiro go inamola lehuma.O kopile batsadi go mo thusa seemo se ka go bua le banana kwa malwapeng, a re go a swabisa go bona banana ba ba ka bong ba tsholetsa kgaolo e, e le bone ba ba nnang fela mo bojalweng le mo borukutlhing. Rre Maele o kgothaditse banana go bula dikgwebo gongwe le gongwe kwa Disikalala, a re ba se ka ba ikganelela fela mo metseng e ba tlholegang mo go yone, a re ke gone mo go dirang gore dikopo tsa bone di se ka tsa atlega ka gore bontsi jwa bone ba batla go dira dikgwebo tse di tshwanang mo lefelong le le lengwe.Le fa banana bangwe ba ne ba kopa gore madi a ba thusiwang ka one a P100 000 a okediwe, Rre Maele a re go thata gore madi a okediwe ntswa banana ba sa ntse ba sa kgatlhegele go a tsaya.Le fa go ntse jalo, Rre Maele o lebogetse banana ba ba kgonneng go ipulela dikgwebo ka madi a banana go tshwara ka thata gore dikgwebo tsa bone di se ka tsa phuphama.O ba kopile go thusa ba bangwe ba ba sa ntseng ba palelwa ke go tlatsa difomo gore le bone ba kgone ba ipulele dikgwebo tse di tlaa thusang go tlhabolola kgaolo ya Disikalala bokone. ==Dikgoge tsa kwa ntle== * [[Botswana]] * [[Bobonong]] * [[Selebe Phikwe]] ==Metswedi== {{Reflist}} [[Category:Kgaolo ya Legare (Botswana)]] [[Category:Metsana mo Botswana]] {{botswana-geo-stub}} 4joj8ivv9bqmps8d9ezz71v8wtgizz1 Template:Botswana-geo-stub 10 3790 26783 16185 2022-07-24T07:48:11Z Rebel Agent 9072 Ke dirile Tempolete wikitext text/x-wiki {{asbox | image = Flag-map of Botswana.svg | pix = 30 | subject = [[Botswana]] location | qualifier = | category = Botswana geography stubs | tempsort = * | name = Template:Botswana-geo-stub }} <noinclude> [[Category:Botswana stub templates]] </noinclude> 8le3yf59w5vldu6frphvs2bb27dt7pd Wikipedia:Today's featured article/Phukwi 23, 2022 4 7270 26779 2022-07-23T21:50:30Z Rebel Agent 9072 Ke dirile tsebe wikitext text/x-wiki '''Tumelo Manyoni''' yo o itsegeng ka leina la gagwe la boopedi '''Mr JazziQ''', ke DJ wa [[Amapiano]] wa lefatshe la Afrika Borwa gape ke motsamaisi wa direkoto. O itsege botoka ka go nna mo leloko le a neng a le mo go lone pele la setlhopha sa di DJ tsa [[Amapiano|amapiano]], [[JazziDisciples]]. Mr JazziQ o tsholetswe kwa Alexandra gape o goletse teng a nna le mmaagwemogolo fa batsadi ba gagwe ba ne ba nna kwa bokone jwa [[Johannesburg]]. O ne a tsena Sekolo se Segolo sa Highlands North Boys mme gape o ne a tsena Crawford Sandton mme moragonyana a ya go tsena kwa Mpura Mpura a neng a tsena sekolo teng. O simolotse tiro ya gagwe ya bo DJ a le dingwaga di le lesome le bone mme a simolola go dira dipina a nale le dingwaga tse di lesome le borataro. O simolotse go dira mefuta e e farologaneng ya mmino kgotsa dipina pele ga a dira mmogo le Josiah, yo a neng a dira amapiano pele ga kgolagano ya bone. Ka Mopitlo 2020, o ne a ntsha alebamo ya gagwe ya ntlha ya ''0303''. Alebamo e, e ne e na le dipina tse di e ke metseng ka nosi jaaka "Askies", "Blue Skies" le "Hello MoʹGirl". Pina ya gagwe ya "Askies" e e neng e na le moopedi Moonchild Sanelly le Fake Love e ne ya fiwa gauta ke RiSA. Ka Phatwe 2020, o ne a ntsha EP ya gagwe ya ntlha ya “For The Babies" e e neng e na le baopedi; Kamo Mphela, Lady Du le Londie London. Ka Ngwanatsele 2020, o ne a ntsha alebamo ya “Maba Jabulń Abantu", e e neng e le tirisanommogo ya gagwe le Busta 929 mme e na le diopedi tse di tshwanang le Reece Madlisa, Zuma, Mpura, Riky Rick le 9umber. Ka Ngwanatsele 2020, o ne a tlhagelela mo alebamong ya ga Busiswa ya My Side of The Story mo pineng ya "Makazi". O kile a tshameka mo thulaganyong ya thelebishene ya mmino ya Channel O, Lockdown House Party le mo karolong ya bofelo ya Idols South Africa Yabo 16. Ka Ngwanatsele 5, 2021, o ne a ntsha pina ya "Amaneighbour" e e naleng Killer Kau, Reece Madlisa, Zuma le ThackzinDJ. E ne ya fitlhelela #7 mo seromamoweng sa Good Hope FM gape ya fitlhelela #10 mo dipuong tsa House. Morago nyana o ne a ntsha pina ya "Woza" e e neng e na le Lady Du, Boohle le Kabza De Small, mme gape e ne a tlhagelela mo pineng ya ga Felo Le Tee ya "Nje Nje" mmogo le Reece Madlisa, Zuma, Mpura le Kabza De small. [[Mr JazziQ|Bala di feletse]] qzzqish4mdxdmecxivtf361moeqglwr Template:POTD protected/2022-07-23 10 7271 26780 2022-07-23T21:53:01Z Rebel Agent 9072 Ke dirile tsebe wikitext text/x-wiki {{POTD {{{1|{{{style|generator}}}}}} |image=Northern Cape in South Africa.svg| |size=500 |title=IU |texttitle= |caption= '''Kapa Bokone''' ke nngwe ya dikgaolo tsa lefatshe la [[Aferika Borwa]]. Ke yone kgaolo e tona fa e tshwantshanngwa le dikgaolo tse dingwe mo lefatsheng la Aferika Borwa. E kgaogana melelwane ya boditshaba le mafatshe a [[Botswana]] le [[Namibia]]. Kgaolo e e agilwe ka ngawaga wa 1994 fa kgaolo ya Cape e ne e kgaogana. Toropokgolo ya yone e bidiwa [[Kimberley]]. E akaretsa lefelo la diphologolo la Kalahari Gemsbok National Park, nngwe ya mafelo a a pataganetsweng ke lefatshe la Botswana le Aferika Borwa le le sireleditseng diphologolo.Lefelo le le akaretsa maphothophotho a Augrabies gape le moepo wa Kimberley yo o mo kgaolong le Alexander Bay.Kgaolo ya Namaqualand e e mo bophirima e itsege thata ka ditlhatsana le dithunya tse di mo lefelong la Namaqualand. Toropo e e mo borwa ya De Aar le Colesberg, mo lefelong la Karoo, ke tsone tse di lomaganyang ka tsa mesepele le dipalamo go ya kwa toropong ya Johannesburg, Cape Town le Port Elizabeth. Mo bokonebotlhaba, Kuruman o itse ga lefelo le go neng go nna barongwa ba mafatshe a sele. Noka ya Orange e elela e fetla ka lefelo le, e aga molelwane fa gare ga Free State mo borwabotlhaba gape le lefatshe la Namibia mo bokonebotlhaba. Metsi a noka e a dirisiwa thata go nosetsa maungo mo kgaolong ya Upington <!--; restored/photographed/etc. by [[]]--> }}<noinclude>[[Category:Wikipedia Picture of the day {{#time:F Y|{{SUBPAGENAME}}}}]] meknkqsqkp3gysldtpam5jccwtqafg2