Wikipedia
tnwiki
https://tn.wikipedia.org/wiki/Tsebe_ya_konokono
MediaWiki 1.47.0-wmf.14
first-letter
Pego
Faphegileng
Puisano
Modirisi
Puisano ya modirisi
Wikipedia
Puisano ya Wikipedia
Setshwantsho
Puisano ya setshwantsho
MediaWiki
Puisano ya MediaWiki
Tempolete
Puisano ya tempolete
Thuso
Puisano ya thuso
Karolo
Puisano ya karolo
TimedText
TimedText talk
Module
Module talk
Event
Event talk
Joshua Nkomo
0
14856
53908
53892
2026-08-07T07:40:52Z
JudithShe
9421
Ke okeditse thanolo ya tsebe e
53908
wikitext
text/x-wiki
{{Infobox officeholder|name=Joshua Nkomo|image=Joshua Nkomo (1978).jpg|caption=Nkomo ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a supa le borobabobedi|office=Mothusa tautona wa bobedi wa [[Zimbabwe]]|office1=Tona wa ntlha wa merero ya selegae wa Zimbabwe|term_start=Phatwe a le malatsi a marataro ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe|term_end=Phukwi a rogwa ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le borobabongwe|president=[[Robert Mugabe]]|predecessor=ofisi e ne e le gone e tlhamiwang|successor=[[Joseph Msika]]|term_start1=ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe le masome a robabobedi|term_end1=Tlhakole ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabaobedi le bobedi|president1=[[Canaan Banana]]|primeminister1=[[Robert Mugabe]]|predecessor1=Herbert Zimuto|successor1=[[Herbert Ushewokunze]]|birth_name=Joshua Mqabuko Nyongolo Nkomo|birth_date=Seetebosigo a le malatsi a supa ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe lesome le bosupa|birth_place=[[Harare]] [[Zimbabwe]]|resting_place=[[National Heroes' Acre]]|party=[[PF-ZAPU]]
[[ZAPU]]|spouse=[[Johanna Fuyana]] (ba nyalane ka ngwaga wa 1949)|children=ba bane|alma_mater=[[Jan H. Hofmeyr School of Social Work]]
[[University of South Africa]]|profession=Mopolotiki, motsoulodi, moeteledipele wa lekgotla la babereki, mogwebi}}
'''Joshua Mqabuko Nyongolo Nkomo''' (o o tshotsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe lesome le bosupa ka Seetebosigo a le malatsi a supa – a tlhokafala ka Phukwi a rogwa ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le borobabongwe) e ne e le mopolotiki o o dirileng phetogo kwa [[Zimbabwe]] <ref name=":1">{{Cite news|last=Barron|first=Ian|date=1986|title=Nkomo Debt to George in 'Banned' Talk: Zimbabwe Premier blocks trip to Vancouver|url=https://cooperative-individualism.org/barron-ian_zimbabwe-joshua-nkomo-prevented-from-travel-to-vancouver-1986-sep-oct.pdf|work=[[Land&Liberty]]}}</ref> o a neng a bereka e le mothusa tautona wa lefatshe la Zimbabwe ka fa tlase ga puso ya ga [[Robert Mugabe Jr.|Robert Mugabe]] go tswa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabaongwe go fitlhelela a tlhokafala ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le borobabongwe. O ne a tlhama le go etelela pele phathi ya [[Zimbabwe African People's Union]] (ZAPU) go tswa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le motso go fitlhelela, morago ga kgatelelo ya sesole ya kwa lefatsheng leo(e e neng e itsige jaaka Gukurahundi ) kwa bophirima jwa Zimbabwe, e e neng e lebagane thata le baema nokeng ba lotso lwa [[Ndebele]] ba ba neng ba eme ZAPU nokeng, ZAPU e ne ya kopana le phathi ya ga Robert Mugabe ya Zimbabwe African National Union (ZANU) ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le bosupa go tlhama ZANU-PF.
E ne e le moeteledipele wa mokgatlho wa babereki, mme a tswelela pele go nna tautona wa phathi e e neng e ilediwa ya National Democratic Party , mme a tsenngwa mo kgolegelong dingwaga di le lesome ke puso ya batho ba basweu ya Rhodesia . Morago ga go gololwa ga gagwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabaongwe masome a supa le bone, ZAPU e ne ya nna le seabe mo go phutlhameng ga puso eo, mmogo le ZANU, e e neng ya tlhamiwa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a marataro le boraro. <ref name="Sibanda-2005-90">{{Cite book |last=Sibanda |first=Eliakim M. |year=2005 |title=The Zimbabwe African People's Union 1961–87: A Political History of Insurgency in Southern Rhodesia |publisher=Africa World Press |isbn=978-1-59221-275-0 |location=Trenton, NJ |pages=90–93}}</ref>
Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a robabobedi le boraro, ka a ne a boifa ka dingwaga tsa ntlha tsa Gukurahundi, Nkomo o ne a sia mo lefatsheng la gaabo. Moragonyana ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a robabobedi le bosupa, o ne a baya monwana tumalano ya kagisano ya Unity Accord mme se se ne sa baka mekubukubu, tumalano e e ne e tlaa letla ZAPU go kopana le NAZU go emisa kganyaolo. <ref name="Nyarota-2018-p39">{{Cite book |last=Nyarota |first=Geoffrey |year=2018 |title=The Graceless Fall of Robert Mugabe: The End of a Dictator's Reign |publisher=Penguin (Random House) |isbn=978-1-77609-346-5 |location=Cape Town, South Africa |page=[https://books.google.com/books?id=mA9mDwAAQBAJ&pg=PT39 39] |chapter=Chapter 3: Silencing divergent voices}}</ref>
Nkomo o ne fiwa maina a mantsi a metshameko, a akaretsa la Umafukufuku la puo ya Ndebele, "Father Zimbabwe" ka Sekgowa le Chibwechitedza ("lentswe le le boreledi") ka puo ya seShona.
== Botshelo jwa a le mmotlana ==
Nkomo o tshotswe ka Seetebosigo a le malatsi a supa ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe lesome le bosupa kwa Matopos, Matabeleland, Rhodesia Borwa (kwa e leng Matobo, Zimbabwe gompieno<ref name=":0">{{Cite book |last=Jessup |first=John E. |year=1998 |title=An Encyclopedic Dictionary of Conflict and Conflict Resolution, 1945–1996 |publisher=Greenwood Press |page=533}}</ref><ref>{{Cite book |last=Metrowich |first=Frederick Redvers |year=1969 |title=Rhodesia: Birth of a Nation |url=https://books.google.com/books?id=FshBAAAAYAAJ |publisher=Africa Institute |pages=129 |language=en}}</ref> ) E ne e le mongwe wa bana ba robabobedi. Rraagwe (ebong Thomas Nyongolo Letswansto Nkomo ) o ne a bereka e le moreri gape e le molemi morui wa dikgomo mme a berekela Mokgatlho wa Barongwa wa Lontone . Mmaagwe e ne e le Mlingo Hadebe.
Morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe tse di potlana kwa Rhodesia Borwa, Nkomo o ne a dira dithuto tsa go betla kwa sekolong sa madirelo sa puso sa Tsholotsho mme a ithuta teng sebaka sa ngwaga pele ga a nna mokgweetsi. Moragonyana o ne a leka go rua diphologolo, mme morago a nna morutabana wa sekolo yo o itebagantseng le tiro ya go betla kwa sekolong sa Manyame kwa Kezi . Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a mane le bobedi, a le dingwaga di le masome mabedi le botlhano, ka nako ya fa a le morutabana, o ne a tsaya tshwetso ya gore o tshwanetse go ya kwa Aforika Borwa go ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe, go dira tiro ya go betla le go itlhatlosa maemo a thuto. O tsene sekolo kwa Adams College le kwa Sekolong sa Jan H. Hofmeyr kwa Aforika Borwa, <ref name=":0">{{Cite book |last=Jessup |first=John E. |year=1998 |title=An Encyclopedic Dictionary of Conflict and Conflict Resolution, 1945–1996 |publisher=Greenwood Press |page=533}}<cite class="citation book cs1" data-ve-ignore="" id="CITEREFJessup1998">Jessup, John E. (1998). ''An Encyclopedic Dictionary of Conflict and Conflict Resolution, 1945–1996''. Greenwood Press. p. 533.</cite></ref> kwa a neng a kopana teng le [[Nelson Mandela]] le baeteledipele ba bangwe ba mo isagong kwa sekolong se segolwane sa Fort Hare, le ntswa a ne a sa tsene sekolo seo. Ke kwa Sekolong sa Jan Hofmeyr kwa a neng a aloga ka dipoloma ya mmaboipelego ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a matlhano le bobedi. Nkomo o nyetse mosadi wa gagwe Johanna Fuyana ka Phalane a rogwa ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a mane le borobabongwe.
== Dipolotiki ngwaga wa 1947- go tsena 1964 ==
morago ga go boela kwa Bulawayo ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a mane le bosupa, o ne a nna leloko la mokgatlho wa babereki ba bantsho ba diterena mme a nna moeteledipele wa Mokgatlho wa babereki ba Diterena mme morago ga moo a nna moeteledipele wa kgaolo ya Rhodesia Borwa ya African National Congress . Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a matlhano le boraro o ne a emela ditlhopho tsa Palamente mo ditlhophong tsa ntlha tsa puso, le fa a ne a latlhegelwa. Lekalana la ANC la Rhodesia Borwa le ne la fetoga go nna Southern Rhodesia African National Congress (SRANC), mme ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a matlhano le bosupa Nkomo o ne a tlhophiwa go nna modulasetilo. <ref name="Encyc-World-Bio" /> Nkomo o ne a le kwa ntle ga lefatshe ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a matlhano le borobabaongwe fa SRANC e ne e ilediwa go tsena mo lefatsheng leo, dithoto tsa yone di tsewa, le bontsi jwa baeteledipele ba yone ba tshwarwa.
Ka Firkgong a rogwa ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro, National Democratic Party (NDP) e ne ya tlhamiwa ke Nkomo le ba bangwe go tswa mo boeteledipeleng jwa SRANC go tlhatlhama SRANC e e neng e ileditswe, mme ba amogela maikaelelo a bona le popego ya mokgatlho, ga mmogo le go tsenya maloko. Mo ngwageng oo o ne a nna tautona wa NDP ka kemo nokeng ya ga Robert Mugabe . NDP e ne ya ilediwa ka Morule ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a marataro le motso ke puso ya Rhodesia.
Moragonyana fela Nkomo o ne a tlhama Zimbabwe African Peoples Union ( ZAPU ) a na le Samuel Parirenyatwa, Ndabaningi Sithole, Robert Mugabe, le ba bangwe . Phathi eo le yone e ne ya ilediwa ke puso ya batho basweu ba ba kwa Rhodesia dikgwedi di robabongwe moragonyana ka Lwetse ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le bobedi.
ZAPU e ne ya kgaogana ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le boraro fa Sithole le Mugabe ba tsaya baema nokeng ba bone mme ba tlhama phathi ya Zimbabwe African National Union (ZANU). <ref name="Sibanda-2005-90">{{Cite book |last=Sibanda |first=Eliakim M. |year=2005 |title=The Zimbabwe African People's Union 1961–87: A Political History of Insurgency in Southern Rhodesia |publisher=Africa World Press |isbn=978-1-59221-275-0 |location=Trenton, NJ |pages=90–93}}<cite class="citation book cs1" data-ve-ignore="" id="CITEREFSibanda2005">Sibanda, Eliakim M. (2005). ''The Zimbabwe African People's Union 1961–87: A Political History of Insurgency in Southern Rhodesia''. Trenton, NJ: Africa World Press. pp. <span class="nowrap">90–</span>93. [[ISBN (identifier)|ISBN]] [[Special:BookSources/978-1-59221-275-0|<bdi>978-1-59221-275-0</bdi>]].</cite></ref> Fa batho bangwe ba re kgaogano e, e bakilwe ke dikgotlhang gareng ga merafe, kgaogano e ne e tlhotlhelediwa ke go palelwa ga ga Sithole, Mugabe, Takawira le Malianga go amoga taolo ya ZAPU mo go Nkomo. ZAPU e ne ya tswelelela e le phathi ya merafe e e farologaneng go fitlhelela ka boipuso. <sup class="noprint Inline-Template Template-Fact" style="white-space:nowrap;">[ ''<nowiki><span title="This claim needs references to reliable sources. (July 2021)">go tlhokega nopolo</span></nowiki>'' ]</sup>
== Kgotlhang ya dibetsa ==
Nkomo o ne a tshwarelwa kwa Kampeng ya Gonakudzingwa Restriction ke puso ya ga Ian Smith ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le bone, le batho ba ba tshwanang le ene ba ba neng ba le kgatlhanong le puso ebong Ndabaningi Sithole, Edgar Tekere, Enos Nkala, Maurice Nyagumbo, le Mugabe, go fitlhelela ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a supa le bone. Paul Tangi Mhova Mkondo moeteledipele wa basha wa baithuti le ene o ne a tshwarwa le bone ka nakwana. Palo e ntsi ya bone ba ne ba gololwa ka ntlha ya kgatelelo ya ga tonakgolo wa Aforika Borwa John Vorster. Morago ga go gololwa ga ga Nkomo, o ne a ya kwa Zambia go tswelela a le kgatlhanong le puso ya Rhodesia ka ditsamaiso tse pedi tsa go nna kgatlhanong le go buisana.
Le sa tshwane le la ZANU la dibetsa, lekgamu la dibetsa la ZAPU - Zimbabwe People's revolutionary Army - le ne le itebagantse le tlhaselo ya ditsuolodi. Ka nak ya boipuso ZIPRA e ne e na le sesole sa sesha, kwa [[Zambia]] le [[Angola]], le na le balwantwa ba Mikoyan, dibomo le batho ba ba itshireleditseng.
Nkomo o kile a gomagomediwa go bolawa makgetho a le mabedi. La ntlha, kwa Zambia ke Selous Scouts, e ne e le thomo e e bofitlha. Thomo e ne ya emisiwa mme ya lekelediwa gape morago, mo go neng ga seka ga atlega, ke sesole sa Rhodesia se se faphegileng sa difofane. Ka Phatwe ngwaga wa dikete pedi lesome le motso go ne ga begiwa ke BBC gore Nkomo o ne a lmilwe tsebe ke puso ya Britain.<ref>[https://www.bbc.com/news/world-africa-14311834 "Did UK warn Mugabe and Nkomo about assassination attempts?".] BBC News Online. 1 July 2011. Retrieved 07 July 2026</ref>
Masole a ZAPU a ne a nyenyafatsa puso ya Rhodesia ka nako ya ntwa ya sekgwa. Ditlhaselo tse di begilweng thata ebile e le tsone tse di atlegileng ke go diga difofane tsa Air Rhodesia Vickers Viscount tsa bapagami ba mo gae di le pedi ka di misaele, tse di neng tsa baka dintsho tsa batho ba le lekgolo le bosupa. Ya ntlha, ya Lwetse a le malatsi a mararo ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a supa le borobabobedi e bolaile batho ba le masome a mararo le borobabobedi mo go ba ba masome a matlhano le borataro ba ba neng ba le mo sefofaneng fa se phatlakana, ba bangwe ba le lesome (ba akaretsa basadi le bana) ba ne ba thuntshiwa morago ke ba ZIPRA ba ba neng ba ile go sekaseka tshenyo.<ref>[https://web.archive.org/web/20080307203237/http://www.time.com/time/magazine/article/0,9171,916377,00.html "Seeds of Political Destruction".] ''Time''. New York. 18 September 1978. Archived from the original on 7 March 2008. Retrieved 07 August 2026</ref><ref>Lindsell-Stewart, Gavin (5 September 1978). "Three Describe a Night of Terror". [[:en:The_Herald_(Zimbabwe)|''The Rhodesia Herald''.]] Salisbury: Argus Group: 1.</ref>
Morago Nkomo o ne a re kganyaolo e ke magatwe fela a a senang lepele le lemorago a a tlhotlhelediwang ke babegadikgang ba Rhodesia, a supa fa a le maswabi ka go wa ga sefofane sa bapagami, mme a buelela tiragalo e fa a re puso ya Rhodesia e ne e itsege ka go tsamaisa masole a yone ka difofane tsa bapagami ba e seng masole. Bafalodi ba ba setseng ba robabaobedi ba ne ba falola batlhasedi ka go iphitlha bosigo botlhe mo sekgweng, bangwe ba ne ba tsamaya ka dinao go ya Karoi go kpa thuso. Bangwe bapagami ba ne ba gobetse mo go masisi ba tsewa ke dikoloi tsa sepodisi ba tlhatlhobiwa ke sesole sa Rhodesia.
== Metswedi ==
[[Karolo:Pages with unreviewed translations]]
qbm2epabth60o95y7sb190b2fzkqxt6
Tsela e e Yang Kwa Ntweng ya Bobedi ya Lefatshe (1937)
0
14864
53905
2026-08-06T14:45:34Z
Sgadle
12480
Created page with "= '''Tsela e e Yang Kwa Ntweng ya Bobedi ya Lefatshe (1937)''' = [[Setshwantsho:Benito Mussolini and Adolf Hitler, Djawa Baroe, Vol. 1, Iss. 12 (1943-06-15), p7.jpg|thumb]] == '''Matseno''' == [[Setshwantsho:Second Sino-Japanese War collection.png|thumb]] Ngwaga wa 1937 e ne e le nako e e botlhokwa thata mo tseleng e e neng ya felela ka Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe . Ditiro tse di setlhogo tsa Jeremane, Italy le Japane di ne tsa tswelela go senya kagiso le tlhomamo ya bod..."
53905
wikitext
text/x-wiki
= '''Tsela e e Yang Kwa Ntweng ya Bobedi ya Lefatshe (1937)''' =
[[Setshwantsho:Benito Mussolini and Adolf Hitler, Djawa Baroe, Vol. 1, Iss. 12 (1943-06-15), p7.jpg|thumb]]
== '''Matseno''' ==
[[Setshwantsho:Second Sino-Japanese War collection.png|thumb]]
Ngwaga wa 1937 e ne e le nako e e botlhokwa thata mo tseleng e e neng ya felela ka Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe . Ditiro tse di setlhogo tsa Jeremane, Italy le Japane di ne tsa tswelela go senya kagiso le tlhomamo ya boditšhabatšhaba. Go runya ga Ntwa ya Bobedi ya Majapane le Ma-China, go nonofa ga Roma-Berlin Axis, le go palelwa ga Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba go thibela ntwa go ne ga oketsa dikgotlhang mo lefatsheng lotlhe. Ditiragalo tseno di bontshitse gore tsamaiso ya boditšhabatšhaba e e neng ya tlhomiwa morago ga Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe e ne e ntse e sa tlhole e dira sentle.<ref name=":0">https://www.cfr.org/education/learn/resource-collections/contemporary-history-world-war/why-did-world-war-ii-happen</ref><ref name=":1">https://www.bbc.co.uk/</ref>
== '''Ntwa ya Bobedi ya Ba-China le Bajapane''' ==
Ka Phukwi 1937, go ne ga runya ntwa magareng ga China le Japane morago ga tiragalo ya Marco Polo Bridge gaufi le Beijing.<ref name=":2">https://www.history.com/articles/second-sino-japanese-war</ref> Se se neng sa simolola e le kgotlhang ya selegae se ne sa fetoga ka bonako go nna ntwa e kgolo gareng ga dinaga tseno tse pedi. Japane e ne ya simolola go tlhasela masole a magolo mme ya gapa dikarolo tse dikgolo tsa botlhaba jwa China. Kgaratlho e ne ya nna nngwe ya dintwa tse dikgolo mo Asia pele ga Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe mme e ne ya nna le seabe se segolo mo go tlhakatlhakaneng mo kgaolong eo.<ref name=":2" />
== '''Go Gapiwa ga Nanjing''' ==
[[Setshwantsho:Bodies of Chinese massacred by Japanese troops along a river in Nanjing (Murase Moriyasa's photo) 01.jpg|thumb|'''Ditopo tsa Ba-China ba ba bolailweng ke masole a Japane go bapa le noka kwa Nanjing''']]
Ka Sedimonthole wa 1937, masole a Japane a ne a gapa toropo ya Nanjing kwa China, e e neng e le motsemogolo wa China ka nako eo.<ref name=":2" /> Morago ga go gapiwa ga naga eo, masole a Japane a ne a dira ditiro tse dintsi tse di setlhogo kgatlhanong le masole le baagi ba kwa China. Go ne ga bolawa batho ba le diketekete, mme ba bangwe ba le bantsi ba ne ba tshwarwa makgwakgwa. Tiragalo e e ne ya itsege jaaka Polao ya kwa Nanjing ('''''Nanjing Massacre''''') mme e ne ya tshwaiwa phoso ke boditšhabatšhaba, mme ya senya leina la Japane kwa ntle.<ref name=":2" />
== '''Go Nonotsha Roma-Berlin Axis''' ==
Ka 1937, tirisanommogo magareng ga Jeremane le Italy e ne ya tswelela go gola morago ga go tlhomiwa ga Rome-Berlin Axis ka 1936.<ref name=":0" /> Dinaga tseno ka bobedi di ne di na le dikgopolo tse di tshwanang tsa sepolotiki mme di ne di tshegetsa puso ya bobusaesi. Botsalano jwa bone jo bo golang bo ne ba oketsa matshwenyego mo ditšhabeng tsa temokerasi ka gonne bo ne ba nonotsha tlhotlheletso ya dinaga tse di ratang go tlhasela kwa Yuropa mme ba thusa gore go bopiwe ditlhopha tse di ganetsanang tsa sepolotiki.<ref name=":0" />
== '''Maatla a a Oketsegang a Sesole sa Jeremane''' ==
Ka 1937, Jeremane e ne ya tswelela go atolosa le go tlhabolola sesole sa yone le fa go ne go na le dithibelo tse di neng di beilwe pele ke Tumalano ya Versailles.<ref>https://encyclopedia.ushmm.org/content/en/article/german-prewar-expansion</ref> Hitler o ne a nna a buelela thata kgopolo ya gore Jeremane e ne e tlhoka naga e kgolwane le didirisiwa tse di oketsegileng gore e sireletse isagwe ya yone. Go ipaakanyetsa ga sesole sa Jeremane go ne go supa maikaelelo a puso a go latela pholisi e e bogale ya kwa ntle le go gwetlha tekatekano e e leng teng ya maatla kwa Yuropa.<ref name=":3">https://www.iwm.org.uk/history/how-hitler-took-germany-to-wa</ref>
== '''Memorantamo wa ga Hossbach''' ==
Ka Ngwanatsele 1937, Hitler o ne a tshwara kopano ya sephiri le baeteledipele ba maemo a a kwa godimo ba sesole le ba sepolotiki go buisana ka dithulaganyo tsa go atolosa Jeremane mo isagong.<ref name=":4">[https://www.nationalarchives.gov.uk/ Home - The National Archives]</ref> Dintlha tse di neng tsa kwalwa kwa kopanong eo, e moragonyana e neng ya bidiwa ('''''Hossbach Memorandum'''''), di ne tsa senola maikaelelo a ga Hitler a go gapa naga kwa Austria le kwa Czechoslovakia. Tokomane eno e ne ya naya bosupi jwa gore Jeremane e ne e ipaakanyetsa go atologa le ntwa e e neng e ka nna teng go fitlhelela maikaelelo a yone a sepolotiki.<ref name=":4" /><ref name=":3" />
== '''Go Palelwa ke Tshireletsego e e Kopanetsweng''' ==
Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le ne la tswelela pele le kgaratlha mo maitekong a lone a go boloka kagiso ka 1937. Go palelwa mo nakong e e fetileng kwa Manchuria le kwa Ethiopia go ne go setse go dirile gore batho ba se ka ba tlhola ba ikanya mo mokgatlho ono. E re ka Jeremane, Italy le Japane di ne di gagamatsa dikgato tsa tsone tsa bopolotiki, Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le ne le se na taolo le maatla a sesole a le neng le a tlhoka go diragatsa ditshwetso tsa lone. Seno se ne sa rotloetsa dinaga tse di ratang ntwa gore di tswelele di gwetlha ditumalano tsa boditšhabatšhaba di sa boife ditlamorago tse di masisi.<ref name=":1" /><ref name=":0" />
== '''Konelo''' ==
Ditiragalo tsa 1937 di ne tsa dira gore lefatshe le atamele ntwa e nngwe gape e kgolo. Ntwa ya Japane kgatlhanong le China e ne ya dira gore go se ka ga nna le kagiso mo Asia, fa Jeremane yone e ne ya tswelela go nonotsha sesole sa yone le go dira dithulaganyo tsa go atolosa naga ya yone. Tirisanommogo e e neng e ntse e gola fa gare ga Jeremane le Italy, mmogo le go palelwa ga Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba go emisa ntwa, go ne ga koafatsa kagiso ya boditšhabatšhaba le go feta. Kwa bokhutlong jwa 1937, motheo wa go runya ga Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe o ne wa bonala thata (Overy, 2014; McDonough, 2011).<ref name=":3" /><ref name=":0" />
== '''Lenaane la''' '''Ditshupiso''' ==
<references />
gdg0gvtkpfsbyaocnrvk12mxnn0ztya
53906
53905
2026-08-06T14:46:30Z
Sgadle
12480
53906
wikitext
text/x-wiki
= '''Tsela e e Yang Kwa Ntweng ya Bobedi ya Lefatshe (1937)''' =
[[Setshwantsho:Benito Mussolini and Adolf Hitler, Djawa Baroe, Vol. 1, Iss. 12 (1943-06-15), p7.jpg|thumb]]
== '''Matseno''' ==
[[Setshwantsho:Second Sino-Japanese War collection.png|thumb]]
Ngwaga wa 1937 e ne e le nako e e botlhokwa thata mo tseleng e e neng ya felela ka Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe . Ditiro tse di setlhogo tsa Jeremane, Italy le Japane di ne tsa tswelela go senya kagiso le tlhomamo ya boditšhabatšhaba. Go runya ga Ntwa ya Bobedi ya Majapane le Ma-China, go nonofa ga Roma-Berlin Axis, le go palelwa ga Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba go thibela ntwa go ne ga oketsa dikgotlhang mo lefatsheng lotlhe. Ditiragalo tseno di bontshitse gore tsamaiso ya boditšhabatšhaba e e neng ya tlhomiwa morago ga Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe e ne e ntse e sa tlhole e dira sentle.<ref name=":0">https://www.cfr.org/education/learn/resource-collections/contemporary-history-world-war/why-did-world-war-ii-happen</ref><ref name=":1">https://www.bbc.co.uk/</ref>
== '''Ntwa ya Bobedi ya Ba-China le Bajapane''' ==
Ka Phukwi 1937, go ne ga runya ntwa magareng ga China le Japane morago ga tiragalo ya Marco Polo Bridge gaufi le Beijing.<ref name=":2">https://www.history.com/articles/second-sino-japanese-war</ref> Se se neng sa simolola e le kgotlhang ya selegae se ne sa fetoga ka bonako go nna ntwa e kgolo gareng ga dinaga tseno tse pedi. Japane e ne ya simolola go tlhasela masole a magolo mme ya gapa dikarolo tse dikgolo tsa botlhaba jwa China. Kgaratlho e ne ya nna nngwe ya dintwa tse dikgolo mo Asia pele ga Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe mme e ne ya nna le seabe se segolo mo go tlhakatlhakaneng mo kgaolong eo.<ref name=":2" />
== '''Go Gapiwa ga Nanjing''' ==
[[Setshwantsho:Bodies of Chinese massacred by Japanese troops along a river in Nanjing (Murase Moriyasa's photo) 01.jpg|thumb|'''Ditopo tsa Ba-China ba ba bolailweng ke masole a Japane go bapa le noka kwa Nanjing''']]
Ka Sedimonthole wa 1937, masole a Japane a ne a gapa toropo ya Nanjing kwa China, e e neng e le motsemogolo wa China ka nako eo.<ref name=":2" /> Morago ga go gapiwa ga naga eo, masole a Japane a ne a dira ditiro tse dintsi tse di setlhogo kgatlhanong le masole le baagi ba kwa China. Go ne ga bolawa batho ba le diketekete, mme ba bangwe ba le bantsi ba ne ba tshwarwa makgwakgwa. Tiragalo e e ne ya itsege jaaka Polao ya kwa Nanjing ('''''Nanjing Massacre''''') mme e ne ya tshwaiwa phoso ke boditšhabatšhaba, mme ya senya leina la Japane kwa ntle.<ref name=":2" />
== '''Go Nonotsha Roma-Berlin Axis''' ==
Ka 1937, tirisanommogo magareng ga Jeremane le Italy e ne ya tswelela go gola morago ga go tlhomiwa ga Rome-Berlin Axis ka 1936.<ref name=":0" /> Dinaga tseno ka bobedi di ne di na le dikgopolo tse di tshwanang tsa sepolotiki mme di ne di tshegetsa puso ya bobusaesi. Botsalano jwa bone jo bo golang bo ne ba oketsa matshwenyego mo ditšhabeng tsa temokerasi ka gonne bo ne ba nonotsha tlhotlheletso ya dinaga tse di ratang go tlhasela kwa Yuropa mme ba thusa gore go bopiwe ditlhopha tse di ganetsanang tsa sepolotiki.<ref name=":0" />
== '''Maatla a a Oketsegang a Sesole sa Jeremane''' ==
Ka 1937, Jeremane e ne ya tswelela go atolosa le go tlhabolola sesole sa yone le fa go ne go na le dithibelo tse di neng di beilwe pele ke Tumalano ya Versailles.<ref>https://encyclopedia.ushmm.org/content/en/article/german-prewar-expansion</ref> Hitler o ne a nna a buelela thata kgopolo ya gore Jeremane e ne e tlhoka naga e kgolwane le didirisiwa tse di oketsegileng gore e sireletse isagwe ya yone. Go ipaakanyetsa ga sesole sa Jeremane go ne go supa maikaelelo a puso a go latela pholisi e e bogale ya kwa ntle le go gwetlha tekatekano e e leng teng ya maatla kwa Yuropa.<ref name=":3">https://www.iwm.org.uk/history/how-hitler-took-germany-to-wa</ref>
== '''Memorantamo wa ga Hossbach''' ==
Ka Ngwanatsele 1937, Hitler o ne a tshwara kopano ya sephiri le baeteledipele ba maemo a a kwa godimo ba sesole le ba sepolotiki go buisana ka dithulaganyo tsa go atolosa Jeremane mo isagong.<ref name=":4">[https://www.nationalarchives.gov.uk/ Home - The National Archives]</ref> Dintlha tse di neng tsa kwalwa kwa kopanong eo, e moragonyana e neng ya bidiwa ('''''Hossbach Memorandum'''''), di ne tsa senola maikaelelo a ga Hitler a go gapa naga kwa Austria le kwa Czechoslovakia. Tokomane eno e ne ya naya bosupi jwa gore Jeremane e ne e ipaakanyetsa go atologa le ntwa e e neng e ka nna teng go fitlhelela maikaelelo a yone a sepolotiki.<ref name=":4" /><ref name=":3" />
== '''Go Palelwa ke Tshireletsego e e Kopanetsweng''' ==
Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le ne la tswelela pele le kgaratlha mo maitekong a lone a go boloka kagiso ka 1937. Go palelwa mo nakong e e fetileng kwa Manchuria le kwa Ethiopia go ne go setse go dirile gore batho ba se ka ba tlhola ba ikanya mo mokgatlho ono. E re ka Jeremane, Italy le Japane di ne di gagamatsa dikgato tsa tsone tsa bopolotiki, Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le ne le se na taolo le maatla a sesole a le neng le a tlhoka go diragatsa ditshwetso tsa lone. Seno se ne sa rotloetsa dinaga tse di ratang ntwa gore di tswelele di gwetlha ditumalano tsa boditšhabatšhaba di sa boife ditlamorago tse di masisi.<ref name=":1" /><ref name=":0" />
== '''Konelo''' ==
Ditiragalo tsa 1937 di ne tsa dira gore lefatshe le atamele ntwa e nngwe gape e kgolo. Ntwa ya Japane kgatlhanong le China e ne ya dira gore go se ka ga nna le kagiso mo Asia, fa Jeremane yone e ne ya tswelela go nonotsha sesole sa yone le go dira dithulaganyo tsa go atolosa naga ya yone. Tirisanommogo e e neng e ntse e gola fa gare ga Jeremane le Italy, mmogo le go palelwa ga Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba go emisa ntwa, go ne ga koafatsa kagiso ya boditšhabatšhaba le go feta. Kwa bokhutlong jwa 1937, motheo wa go runya ga Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe o ne wa bonala thata.<ref name=":3" /><ref name=":0" />
== '''Lenaane la''' '''Ditshupiso''' ==
<references />
dce55xf8bq69dprudc6l0aagvcygc95
Love Island (motseletsele wa Thelevishene wa 2015)
0
14865
53907
2026-08-06T19:05:46Z
Brovha
12498
Created by translating the page "[[:en:Special:Redirect/revision/1366439775|Love Island (2015 TV series)]]"
53907
wikitext
text/x-wiki
<templatestyles src="Template:TOC limit/styles.css" />'''''Love Island''''' ke kgatiso ya nnete ya Borithane . Ke tsosoloso ya motseletsele wa pele wa batho ba ba tumileng ba ba nang le leina le le tshwanang, e e neng ya gasiwa mo motseletseleng ono wa difilimi tse pedi ka 2005 le 2006. Motseletsele ono ke one o o simolotseng kgwebo ya boditšhabatšhaba <nowiki><i id="mwFQ">ya Love Island</i></nowiki>, mme go setse go tlhagisitswe mefuta e le masome a mabedi le bobedi ya one lefatshe ka bophara go tla go fitlha jaanong . ''Setlhaketlhake sa Lorato'' se tlhagisiwa ke Maya Jama mme se anelwa ke Iain Stirling . Mo nakong e e fetileng kgatiso eno e ne e tshwerwe ke Caroline Flack le Laura Whitmore, ka go latelana . Mogasi mongwe le mongwe o kile a tshwara khatiso e e tsamayang le yone, e leng ''Love Island: Aftersun'' .
Kgatiso eno e atlegile thata e bile e na le tlhotlheletso e kgolo mo setsong se se tumileng sa Boritane;<ref>{{Cite news|title=Are we breaking up with Love Island?|language=en|url=https://www.thetimes.com/culture/tv-radio/article/are-we-breaking-up-with-love-island-z7d552xp7|access-date=6 August 2021}}</ref>E nnile kgatiso ya televishene e e lebelelwang thata mo hisitoring ya thelevishene ka ngwaga wa 2018,<ref>{{Cite web |date=8 June 2018 |title=Love Island becomes ITV2's most-watched show ever |url=https://www.theguardian.com/tv-and-radio/2018/jun/08/love-island-becomes-itv-most-watched-show-ever |url-status=live |archive-url=https://web.archive.org/web/20210713004110/https://www.theguardian.com/tv-and-radio/2018/jun/08/love-island-becomes-itv-most-watched-show-ever |archive-date=13 July 2021 |access-date=6 August 2021 |website=the Guardian |language=en}}</ref> mme go tloga ka ngwaga wa 2020 e nnile kgatiso e e lebelelwang thata ke batho ba dingwaga di le somethataro go ya go sometharo nne.<ref>{{Cite web |title=Love Island launches with most watched tv show of the year for young people |url=https://www.itv.com/presscentre/press-releases/love-island-launches-most-watched-tv-show-year-young-people |url-status=live |archive-url=https://web.archive.org/web/20210802160238/https://www.itv.com/presscentre/press-releases/love-island-launches-most-watched-tv-show-year-young-people |archive-date=2 August 2021 |access-date=6 August 2021 |website=ITV Press Centre |language=en}}</ref> Le fa go ntse jalo, e dirile gore go nne le kganetsano e ntsi, ka batho ba le bane ba ba amanang le lenaneo ba sule ka go ipolaya. Batshameki Sophie Gradon le Mike Thalassitis ba ipolaile morago ga go tlhagelela mo thulaganyong; lekau la ga Gradon le ipolaile malatsi a le 20 morago ga loso lwa gagwe. Mo ngwageng o o latelang, mogasi wa ntlha wa lenaneo, Caroline Flack, le ene o ne a ipolaya. Ka ntlha ya seno le ditlamorago tse di sa siamang tse batshameki ba lebanang le tsone mo motshamekong le morago ga one, go ile ga nna le dikopo go tswa go bangwe go phimola lenaneo.<ref name="Cancellation calls">{{Cite news|date=16 February 2020|title=Caroline Flack death: ITV faces calls to cancel Love Island after former presenter found dead|url=https://www.independent.co.uk/arts-entertainment/tv/news/caroline-flack-death-love-island-cancelled-axed-itv-a9337836.html|access-date=8 May 2020}}</ref>
''Love Island'' e akaretsa setlhopha sa bagaisani, ba ba bidiwang "Islanders", ba ba nnang ba le nosi mo lefatsheng le le kwa ntle mo ntlong ya bonno kwa Mallorca, ba nna ba beilwe leitlho ka vidio. <ref name="digitalspy.com">{{Cite web |date=4 June 2015 |title=Love Island: Your first look at the villa |url=http://www.digitalspy.com/tv/love-island/news/a651102/love-island-heres-your-first-look-inside-the-villa/ |url-status=live |archive-url=https://web.archive.org/web/20170922180213/http://www.digitalspy.com/tv/love-island/news/a651102/love-island-heres-your-first-look-inside-the-villa/ |archive-date=22 September 2017 |access-date=4 July 2017 |website=[[Digital Spy]]}}</ref> Gore "Islanders" ba kgone go tshela mo ntlong eo ba tshwanetse go kopanngwa le Moagi yo mongwe o o bidiwang "Islander", e ka tswa e le ka ntlha ya lorato, botsala, kgotsa madi, mme banyalani ba ba fenyang ka kakaretso ba amogela madi a a kopaneng a £50,000. Ka letsatsi la ntlha, "Islanders" ba nyalana lekgetlo la ntlha go ikaegilwe ka maikutlo a ntlha, fela mo nakong ya motseletsele ba patelesega go "nyalana gape" kwa ba ka tlhophang go nna mo bonyalanong ba bona ba ga jaana kgotsa go fetolana ka balekane. <ref>{{Cite web |title=Best Love Island Seasons |url=https://whatsgoodonline.co.uk/entertainment/best-love-island-seasons/ |url-status=live |archive-url=https://web.archive.org/web/20240228162155/https://whatsgoodonline.co.uk/entertainment/best-love-island-seasons/ |archive-date=28 February 2024 |access-date=28 February 2024 |website=What's Good?}}</ref>
Mo Islander mongwe le mongwe o o nnang ale esi mo morago ga go nyalana baagi o tlisiwa mo. Islanders ba kgona go lelekwa go ya ka di voutu tsa Setshaba, gonne mo tsamaising ya kgatiso eno setshaba se vouta ka go dirisa megala ya bone ya matheka go voutela banyalani/baratani ba ba baratang. Banyalani ba ba fitlhelang di voutu tse di kwa tlase ba mo kotsing ya go lelekwa. Gantsi go tlhakatlhakangwa dilo ka gore Islanders e nne bone ba ba voutang bangwe ba banyalani gore go lelekwe bafeng. Mo bekeng ya bofelo, setshaba e nna sone se voutang go tlhopa banyalani ba setshaba se batlang ba fenye kgatiso eno ebile ba tsamaye ka madi a kanang ka 50,000
Mo kgaolong ya ntlha, tiragalo ya Labone e ne e bontshiwa ka tlhamalalo ke Caroline Flack koo gantsi go neng go nna le go tlosiwa ga batho mme Ba-Islanders ba basha ba ne ba tsena mo ntlong. Le fa go ntse jalo, go tloga ka karolo ya bobedi go ya pele, ditiragalo tse di dirwang ka tlhamalalo di ne tsa phimolwa ntle le tsa bofelo.<ref name="digitalspy.com1">{{Cite web |date=27 May 2016 |title=Love Island: Why did they scrap the live eviction? |url=http://www.digitalspy.com/tv/love-island/news/a795700/itv-commissioning-editor-we-scrapped-the-live-evicition-because-the-girls-spent-all-day-in-makeup/ |url-status=live |archive-url=https://web.archive.org/web/20170829041608/http://www.digitalspy.com/tv/love-island/news/a795700/itv-commissioning-editor-we-scrapped-the-live-evicition-because-the-girls-spent-all-day-in-makeup/ |archive-date=29 August 2017 |access-date=4 July 2017 |website=[[Digital Spy]]}}</ref> Fa ba le mo ntlong, Moagi mongwe le mongwe wa Setlhaketlhake o na le founo ya gagwe e mo go yone ba ka ikgolaganyang le Baagi ba bangwe ba Setlhaketlake fela ka go romela melaetsa - kgotsa go amogela melaetsa e e ba itsiseng ka dikgwetlho tsa bosheng, go latlha kgotsa go kopana gape.<ref name="digitalspy.com2">{{Cite web |date=4 June 2015 |title=14 secrets of the Love Island villa |url=http://www.digitalspy.com/tv/love-island/feature/a651054/69-cameras-and-unlimited-condoms-14-secrets-of-the-love-island-villa/ |url-status=live |archive-url=https://web.archive.org/web/20171201052231/http://www.digitalspy.com/tv/love-island/feature/a651054/69-cameras-and-unlimited-condoms-14-secrets-of-the-love-island-villa/ |archive-date=1 December 2017 |access-date=4 July 2017 |website=[[Digital Spy]]}}</ref> Baagi ba setlhaketlhake le banyalani gantsi ba lebane le metshameko e mentsi le dikgwetlho tsa go tsaya karolo mo go yone tse di diretsweng go leka bokgoni jwa bone jwa mmele le tlhaloganyo, mme bafenyi ba amogela dikgele tse di kgethegileng morago ga moo. Baagi bangwe ba Setlhaketlhake le bone ba romelwa kwa ntle ga motse, kgotsa ba ka fenya ka go fenya dikgwetlho.
8pfmh6ju60i733z1clh717w57437fil
Mokwalo
0
14866
53909
2026-08-07T10:08:48Z
Canana12
12484
Created by translating the page "[[:en:Special:Redirect/revision/1366269526|Writing]]"
53909
wikitext
text/x-wiki
{{Authority control}}
[[Setshwantsho:Rosetta_Stone.JPG|thumb| [[Letlapa la ga Rosetta|Letlapa la Rosetta]] (196 BC) e nale go kwalwa ka mekwalo e meraro e e farologaneng. Hieroglyphs (kwa godimo) le Demotic (fa gare) di kwala mokwalo o o tshwanang ka puo ya Egepeto, fa temana e e lekanang le yone ka Segerika yone e dirisa alefabete ya Segerika (kwa tlase). Dikwalelano tseno e ne e le senotlolo sa go tlhaloganya ditlhaka tsa hieroglyph tsa Egepeto mo masimologong a lekgolo la bo19 la dingwaga.]]
'''Go kwala''' ke tiro ya go tlhama setshwantsho se se tswelelang, se gantsi se bonwang sa puo mo godimo ga sengwe. Jaaka thulaganyo e e rulagantsweng ya tlhaeletsano, go kwala go itsege gape jaaka '''puo e e kwadilweng'''. Go ya ka hisetori, dipuo tse di kwadilweng di tlhageletse jaaka tsela ya go rekota dipuo tse di buiwang tse di tsamaelanang. Setlhopha se se rileng sa matshwao, se se bidiwang ''sekeripiti'', mmogo le melao e ka yone di tsenyang khoutu ya puo e e rileng e e buiwang, se itsege jaaka tsamaiso ya go kwala. Mo maemong mangwe a a sa tlwaelegang, go kwala go ka dirwa ka go ama go na le go bonwa ka matlho.
Tiro ya tlhaloganyo le ya loago ya go kwala e akaretsa dithulaganyo tsa tlhaloganyo le di tsamaiso tsa mmele tse dipholo tsa tsona tsa mmele gape di bidiwang ''go kwala'' ( kgotsa ''setlhangwa'' ): motseletsele wa matshwao a a kwadilweng ka mmele, a a fetisiwang ka motšhini, kgotsa a a emetsweng ka dijithale. Go bala ke tiro ya go kopana le setlhangwa le go tlhalosa matshwao a sona. <ref>{{Cite journal |last=Witte |first=Stephen P. |date=1992 |title=Context, Text, Intertext: Toward a Constructivist Semiotic of Writing |journal=Written Communication |volume=9 |issue=2 |pages=237-308}}</ref> [4] Puisokwalo ke bokgoni jwa go buisa le go kwala.
Ka kakaretso, ditsamaiso tsa go kwala ga di bope dipuo ka botsona, mme ke ditsela tse di nnelang tsa go emela puo ka tsela e e tla tlhaloganngwang ke batho mo nakong e e tlang. [5][6] Le fa tiriso ya puo e le ya lefatshe lotlhe mo merafeng yotlhe ya batho, bontsi jwa dipuo tse di buiwang ga di kwalwe. [7] Ba ba nang le tsamaiso ya go kwala ba ka tlaleletsa le go atolosa bokgoni jwa puo e e buiwang, go e fetisa go kgabaganya sebaka (sekai, kwalelano e e kwadilweng) le go e boloka gore e tle e buisiwe mo nakong e e tlang (sekai, [[Motlobo wa dibuka|dilaeborari]]). [8] Go kwala gape go ka fetola kamano ya batho le kitso e ba e bonang, ka gonne go letla batho go ntsha dikakanyo tsa bone kwa ntle ka mekgwa e e bonolo go akanya ka tsone, go di dira ka iketlo, go di tlhalosa ka botlalo, go di akanyetsa gape le go di boeletsa. <ref>{{Cite book |last=Ong |first=Walter J. |year=2011 |title=The linguistics of literacy. |publisher=John Benjamins Publishing Company. |publication-date=1986 |pages=293-320 |chapter=Writing is a technology that restructures thought}}</ref> [10] [11] [12]
== Didiriswa, didirisiwa, le maitlhomo a go kwala ==
Tiragalo nngwe le nngwe ya go kwala e akaretsa tirisano e e raraaneng magareng ga didiriswa tse di leng teng, maikaelelo, meetlo ya setso, ditlwaelo tsa tlhaloganyo, mefutakwalo, kitso e e didimetseng le e e tlhamaletseng, le dikgoreletsi le ditekanyetso tsa ditsamaiso tse di dirisitsweng. [13] Didirisiwa tsa go kwala tse di dirisiwang go dira mekwalo ya mmatota di akaretsa [[Monwana|menwana]], ditaele, diborashe tsa enke, dipensele, dipene, le mefuta e le mentsi ya lithokerafi; boalogodimo jwa go kwala jo go ka kwalwang mo go jone bo akaretsa matlapa a matlapa, matlapa a letsopa, matlapana a bamboo, papirase, matlapa a boka, vellum, letlalo, pampiri, letlapa la kopore, le letlapa. [14]
Motšhini o o tlanyang, mmogo le sedirisiwa sa dijithale sa go kwala mafoko, di dira gore bakwadi ba kgone go kwala mafoko a a tlhomameng ka go dirisa khiiboto. [15]
Dikgatelopele tsa ntlha mo go diriseng puo ya tlholego le go tlhama puo ya tlholego di ne tsa kgona go dira gore go nne le dirweboleta tse di kgonang go tlhagisa mefuta mengwe ya mokwalo o o nang le difomula tse di kwa godimo, sekao, diponelopele tsa maemo a bosa, ditshobokanyo tse dikhutshwane tsa ditiragalo tsa metshameko, le dikakanyo tsa mmaraka wa madi kwantle ga go nna le seabe ka tlhamalalo le batho [16] morago ga thulaganyo ya ntlha. Ditlhabololo tsa moragonyana di ne tsa bona tiriso e e anameng mo go tshegetseng go kwala, jaaka go tlhagisa ditlhamo tsa ntlha, go tlhagisa ditshwaelo ka thuso ya ruburiki, go baakanya le go lolamisa dikwalo, le go thusa go ranola. [17] Mo metlheng ya gompieno, dirweboleta tse di jaaka diphetogo tse di katisitsweng pele ga nako tse di tlhagisang di ka kgona, fa di newa tlhagiso, go tlhagisa ditlhangwa tse di telele le tse di tshwanetseng go kwadisiwa ka tsela e e utlwalang ntle le go tsenya tshedimosetso e nngwe ya batho. <ref>{{Cite web |title=CSDL {{!}} IEEE Computer Society |url=https://www.computer.org/csdl/magazine/co/2022/10/09903869/1H0G6xvtREk |access-date=2026-02-25 |website=www.computer.org}}</ref>
=== Ditlhotlheletso le maikaelelo ===
[[Setshwantsho:Olin-Warner-LoC-tympanum-Highsmith.jpeg|thumb| Tympanum ya boronse e e bontshang mothofatso ya Mokwalo – Kago ya ga Thomas Jefferson, kwa Washington, D.C.]]
Go ya ka hisitori, go kwala go ne ga tlhagelela go rarabolola ditlhokego tsa ditšhaba tse di golang ka go raraana ga ikonomi le loago. Fa di setse di dirilwe, di-app di ne di akaretsa go latedisa ditlamelo le dikhumo tse dingwe, go rekota hisitori, go boloka setso, go rulaganya kitso ka dithuto mmogo le lenaane la mekwalo e e tsewang e le metheo ya kitso (sekao, The Canon of Medicine) kgotsa boleng jwa botaki (sekao, buka ya dibuka). Dithuso tsa botsamaisi di ne di akaretsa dikhoutu tsa semolao, direkoto tsa palo ya batho, Ditumalano, ditiro tsa beng, lekgetho, Ditumalano tsa kgwebo, le ditumalano tsotlhe magareng ga dinaga. Jaaka Charles Bazerman a tlhalosa, "go tshwaya matshwao mo matlapeng, mo letsopeng, mo pampiring, mme jaanong le dilo tse di gakologelwang tsa dipalo - nngwe le nngwe e kgona go rwalwa le go tsamaya ka bonako go feta e e fetileng - go ne ga neela ditsela tsa go dira tiro e e rulagantsweng le e atolositsweng mmogo le mogopolo mo ditlhopheng tse dikgolo tsa batho go ralala nako le sebaka". [19] Ditlhabologo tse dingwe di ne di akaretsa ditsamaiso tsa molao tse di tshwanang, tse di bonelwang pele, le tse di anameng thata, go anamisiwa ga dithanolo tse di ka fitlhelelwang tsa Mekwalo e e boitshepo, le go tsweletsa mekgwa ya dipatlisiso tsa saense le tsamaiso ya kitso, tsotlhe di ne di ikaegile thata ka mefuta e e kgonang go kwalwa motlhofo ya puo e e kwadilweng. Hisitori ya go kwala e atolositswe mmogo le tiriso ya go kwala le go tlhalosiwa ga ditsamaiso tsa ditiro tse di dirang gore go nne le go anamisiwa ga go kwala. [20]
hmiwgqyzrjjy94fpnpiyc17ct6v81ak