Wikipedia
tnwiki
https://tn.wikipedia.org/wiki/Tsebe_ya_konokono
MediaWiki 1.47.0-wmf.14
first-letter
Pego
Faphegileng
Puisano
Modirisi
Puisano ya modirisi
Wikipedia
Puisano ya Wikipedia
Setshwantsho
Puisano ya setshwantsho
MediaWiki
Puisano ya MediaWiki
Tempolete
Puisano ya tempolete
Thuso
Puisano ya thuso
Karolo
Puisano ya karolo
TimedText
TimedText talk
Module
Module talk
Event
Event talk
Evan Mawarire
0
13111
54012
49718
2026-08-10T12:04:41Z
JudithShe
9421
Ke okeditse thanolo ya tsebe ya ga Evan Mwarire
54012
wikitext
text/x-wiki
{{Infobox person|name=Evan Mawarire|image=Evan Mawarire.jpg|birth_name=Evan Mawarire|birth_date=Mopitlo a le malatsi a supa ngwaga wa sekete, makgolo a robabaongwe masome a supa le bosupa|birth_place=[[Rhodesia]] kwa e leng [[Zimbabwe]] gompieno|occupation=Moruti, molwela ditshwanelo tsa puso ya batho ka batho|years active=ngwaga wa 2016 go tsena gompieno e le mopolotiki|known for=megwanto ya 2016 go tsena 2017; #ThisFlag|spouse=Samantha Mwarire|children=ba bararo}}
'''Evan Mawarire''' (yo o tshotsweng ka Mopitlo a supa ka ngwaga wa 1977) <ref name=":0">{{Cite news|url=https://www.herald.co.zw/mawarire-is-no-saint/#disqus_thread|title=Mawarire is no saint|access-date=2018-10-26|language=en-GB}}</ref> ke moruti wa kwa lefatsheng la [[Zimbabwe]] le [[molweladitshwanelo]] tsa puso ya batho ka batho. O ne a itsege thata ka nako ya [[ditshupegetso tsa kwa Zimbabwe tsa 2016–17]] tse di neng di gwetlha puso ya ga [[Robert Mugabe]].<ref>{{Cite news|url=https://time.com/4659284/evan-mawarie-zimbabwe-this-flag-bail-denied/|title=Evan Mawarire, Pastor Behind Zimbabwe's #ThisFlag Protest Movement, Denied Bail|access-date=17 January 2018|archivedate=4 January 2018|archiveurl=https://web.archive.org/web/20180104153513/http://time.com/4659284/evan-mawarie-zimbabwe-this-flag-bail-denied/}}</ref> Go begilwe fa Mawarire a kopile batho ba Zimbabwe go ngangapala le go gana go boela tirong morago ga ditshupegetso.<ref>{{Cite news|url=https://www.bbc.com/news/world-africa-36791126|title=Zimbabwe pastor Evan Mawarire calls for more protests|access-date=17 January 2018}}</ref> Kwa bokhutlong jwa 2017, [[BBC News]] e ne ya bega gore Mawarire o ne a gololwa ke kgotlatshekelo ya Zimbabwe kwa a neng a lebanwe ke katlholo ya dingwaga di ka nna masome mabedi mo kgolegelong fa a ne a ka bonwa molato ka ntlha ya go leka go menola puso ya ga Robert Mugabe. Diketekete di ne tsa tla kwa tshekong ya gagwe mme se sa tsosa mokgatlho wa loago o o neng wa emelana le tshenyetso setshaba, tshiamololo le lehuma.<ref>{{Cite news|url=https://www.bbc.com/news/world-africa-42171375|title=Zimbabwe court acquits Mugabe critic Evan Mawarire|access-date=11 February 2018}}</ref> Ka Phukwi a le lesome le boraro ka 2017 bonnye jwa babueledi ba le lekgolo le masome a matlhano ba ne ba ema ka dinao kwa kgotlatshekelong go emela Mawarire, fa diketekete di ne di kokoane kwa ntle ga kgotlatshekelo ya [[Harare]].<ref>{{Cite web |title=Meet Evan Mawarire, the Zimbabwean Pastor Risking His Life for Political Change |url=https://time.com/4676282/evan-mawarire-interview-zimbabwe-politics-elections/ |access-date=2018-02-18 |website=[[Time (magazine)|Time]] |language=en-US |archive-date=2018-02-22 |archive-url=https://web.archive.org/web/20180222152142/http://time.com/4676282/evan-mawarire-interview-zimbabwe-politics-elections/ |url-status=dead }}</ref>
== Botshelo jwa pele le thuto ==
Batsadi ba gagwe e ne e le badirelapuso mme o ne a godisediwa mo lelwapeng la Sekeresete.<ref name=":1">{{Cite news|url=https://www.nationalreview.com/magazine/2017/07/10/evan-mawarire-zimbabwes-freedom-pastor/|title=Zimbabwe's Freedom Pastor|last=Nordlinger|first=Jay|date=2017-07-09|work=National Review|access-date=2018-10-26|language=en-US}}</ref> O feditse nako ya gagwe ya bongwana kwa Harare, pele ga a fudugela kwa [[Kgaolong ya Mashonaland Bophirima]]. O tsene sekolo se se botlana sa Amandas kwa toropong ya [[Concession]].<ref name=":0" /> Go tloga ka 1990 go ya kwa ngwageng wa 1992, o ne a tsena [[Sekolo sa Prince Edward]] kwa Harare, pele ga a fudugela kwa Sekolong se Segolo sa Charles Clack kwa [[Magunje]], e leng sekolo sa borongwa sa [[Salvation Army]], go wetsa dithuto tsa gagwe go tloga ka 1993 go ya kwa ngwageng wa sekete makgolo a robabaongwe masome a robabongwe le bone.Fa a le dingwaga di le lesome le borataro, o ne a tlhophiwa go ya kwa palamenteng ya bana ya Zimbabwe, e e neng e tlhametswe go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la Ngwana wa moAforika.<ref name=":1" /> O ne gape a tlhophiwa go nna Tautona wa bana wa Zimbabwe.<ref name=":1" /> O ne a tswelela go ithuta kwa [[Harare Institute of Technology]], kwa a neng a aloga ka diploma ya dithuto tsa Motlakase wa Dikoloi ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le borataro.<ref name=":0" />
== Tsa pereko ==
O ne a bereka mo go tsa kgwebo dingwaga di le mmalwa, mme ka nako yone eo a ne a ithaopa kwa kerekeng ya gagwe, a ruta kwa sekolong sa Tshipi.<ref name=":1"/> O ne a bona tiro ya kwa kerekeng ya gagwe e mo kgotsofatsa go gaisa, mme ka 2002 o ne a tlogela tiro ya gagwe mme a ya sekolong sa boruti.<ref name=":1" /> Go tloga ka 2002 go fitlha ka 2007, e ne e le moruti wa banana le basha kwa Celebration Churches International kwa Harare, pele ga a dira jaaka mokaedi wa kgaolo wa kereke kwa [[United Kingdom]] go tloga ka 2007 go fitlha ka 2010.<ref name=":0"/> Ka 2010, o ne a tlhoma kereke ya gagwe ya His Generation kwa Harare. <ref name=":0" />
== Letsholo la #ThisFlag ==
<nowiki>#</nowiki>This Flag, ke letsholo la puso ya batho ka batho kwa Zimbabwe le le tlhamilweng ke Mawarire ka maikaelelo a go ntsha puso ya ga tautona Robert Mugabe.<ref>[https://www.nationalreview.com/magazine/2017/07/10/evan-mawarire-zimbabwes-freedom-pastor/ "Evan Mawarire, the anti-Mugabe"]. ''www.nationalreview.com''. Retrieved 10 August 2026</ref><ref>[https://iharare.com/the-story-behind-evan-mawarirethe-man-who-started-this-flag-movement/ "The story behind Evan Mawarire, The man who started #This Flag Movement"]. ''iHarare''. Retrieved 10 August 2026</ref> Letsholo le gape le ne le bonwa ke bangwe e le lengwe la matsholo a setshaba la sepolotiki le le nang le thotloetso e tona thata mo ditsong tsa Zimbabwe.<ref name=":2">Lane, Rosemary (2023-05-03). [https://www.georgetown.edu/news/georgetown-announces-graduation-speakers-for-the-class-of-2023/ "Georgetown Announces Graduation Speakers for the Class of 2023".] ''Georgetown University''. Retrieved 10 June 2026</ref> Martin Runganga, lepodisi la ditshekatsheko mo lephateng la tshenyo la Zimbabwe o ne a tshwantshanya Mawarire le Boko Haram a supa fa Mawarire a timetsa batho ba Zimbabwe ka tumelo go tshwana le Boko Haram.<ref>[https://www.news24.com/Africa/Zimbabwe/zimbabwes-pastor-evan-mawarire-is-like-boko-haram-witness-20171001 "Zimbabwe: Zimbabwe's Pastor Evan Mawarire is like Boko Haram, Witness".] ''news24''. Retrieved 10 August 2026</ref><ref>[https://www.heraldonline.co.zw/witness-equates-mawarire-to-boko-haram/ "Witness equates Mawarire to Boko Haram".] ''The Herald''. Retrieved 10 August 2026</ref><ref>[https://mainnews.net/africa/zimbabwes-pastor-evan-mawarire-is-like-boko-haram-witness/ "Zimbabwe's Pastor Evan Mawarire Is Like Boko Hara]m". ''Main News''. Retrieved 10 August 2026</ref> Bangwe kwa Zimbabwe ba ne ba tshwantshanya letsholo le le la ga Martin Luther King JR. la ditshwanelo tsa setho.<ref>[https://www.ibtimes.co.uk/zimbabwe-who-pastor-evan-mawarire-man-behind-thisflag-subversive-protest-movement-1569674 "Who is Pastor Evan Mawarire, the man behind #ThisFlag subversive protest movement?".] ''International Business Times''. Retrieved 10 August 2026</ref> Pampiri ya puso ya kwa Zimbabwe ya The Herald, e ne e re Mawarire ke motsietsi o o tsieditseng bakereki ba kereke ya gagwe kwa United Kingdom gore a seka a duela lekgetho.<ref>[https://www.heraldonline.co.zw/mawarire-is-no-saint/ "Mawarire is no saint".] ''The herald''. Retrieved 10 August 2026</ref>
=== Go tshwarwa ===
Ka Phukwi ngwaga wa dikete pedi lesome le motso, Mawarire o ne a tshwarelwa go tlhotlheletsa tirisodikgoka kwa Zimbabwe, mme sepodisi sa Zimbabwe sene sa gapa mogala wa gagwe wa lotheka. <ref>[https://www.newsday.co.zw/2016/07/developing-police-arrest-mawarire-want-phone "Developing: Cops seize Mawarire's phone".] ''News Day''. Retrieved 10 August 2026</ref>Ka Tlhakole a rogwa ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa, Mawarire o ne a tshwarwa mabapi le go leka go thankgola Robert Mugabe kwa mamelong a difofane a Robert Grabriel Mugabe International Airport kwa Zimbabwe faa bowa kwa [[USA|United States]].<ref>[https://www.enca.com/africa/pastor-mawarire-arrested-on-return-to-zimbabwe-from-us "Pastor Mawarire arrested on return to Zimbabwe from US".] ''enca''. Retrieved 10 August 2026</ref><ref>[https://www.bbc.com/news/world-africa-38826079 "Zimbabwe's #ThisFlag pastor Evan Mawarire detained on return".] ''BBC''. Retrieved 10 August 2026</ref> Ka Seetebosigo ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa, Mawarire o ne a tshwarelwa go rapela le baithuti ba ba neng ba le mo mogwantong kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Zimbabwe.<ref>[https://mg.co.za/news/africa/2017-06-26-thisflag-leader-mawarire-arrested-for-praying-with-students-at-protest/ "#ThisFlag leader Mawarire arrested for 'praying with students' at protest".] ''Mail and Guardian''. Retrieved 10 August 2026</ref> Ka Lwetse ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa, Mawarire o ne a tshwarwa ke sepodisi sa Zimbabwe a tshwarelwa go bua ka mathata a itsholelo kwa kerekeng ya gagwe. Moruti Evan Mawarire o ne a tshwarwa gape ka Firikgong a le lesome le borataro ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabongwe morago ga go botsa le go rulaganya go ema kgatlhanong le go oketsega ga ditlhwatlhwa le go tlhoka go busa ka tshwanelo. Ka fa tlase ga ga tautona o mohsas [[Emmerson Mnangagwa]], Mawarire o ne a tshwarelwa go leka go menola puso.
=== Polotiki ya Zimbabwe ===
Moragonyana fela Morgan Tsvangirai a sena go tlhokafala go ne ga begiwa gore Mawarire o ne a bona Tsvangirai e le motho wa botlhokwa mo bosweng jwa Zimbabwe morago ga boipuso ka a ne a le kgatlhanong le puso ya ga Mugabe a le kwa ntle, se se mo farologanya le ba ba tsileng pele ga gagwe. Moragonyana ga matsalo a ga Mugabe a dinwaga di le masome a robabaongwe le bone, fa a le kwa bokopanong jwa ditshwanelo tsa setho le puso ya batho ka batho kwa Geneva, Mawarire o ne a bua ka go nna sebete se molangwana ga gagwe ka go gololesega ga ditlhopho tsa Zimbabwe tsa ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabobedi. Ga go a tlhomamisega gore a Mwarire o batla go emela ditlhopho tsa botautona jwa lefatshe la Zimbabwe mme o ganeditse keletso epe. Ka Mopitlo ngwaga wa dikete pedi lesome le borobababedi, Mwarire o ne a itsise faa tla a emela maemo a puso ya mo gae kwa [[Harare]].
=== Maemo a gagwe mo lefatsheng ka bophara ===
Forbes e ne ya gatisa tsebe e e buang ka fa Mwarire a duleng mo go nneng ese mang go nna molwela ditshwanelo tsa setho o o itsegeng a dirisa maranyane go lwela puso ya batho ka batho. Pampiri ya Foreign Policy e ne ya mo fa tlotla ya go nna mongwe wa batho ba ba akanyang thata ba le lekgolo ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro. Pampiri ya [[Aforika Borwa]] ya Daily Maverick e ne ya re ke motho wa Aforika wa ngwaga ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro. Evan Mawarire o tsene sekolo kwa [[Stanford University]], a le mo katisong ya molao le go tlhabolola puso ya batho ka batho. Ka ngwaga wa dikete pedi le masome a mabedi, o ne a tlhophiwa go nna mokatisiwa wa Yale ke sekolo sa Yale university, e le lenaneo la mafatshefatshe la boeteledipele le le amanyang le bo le katisa setlhopha sa batho ba ba tswang mo mehameng e e farologaneng. Ka ngwaga wa dikete pedi masome mabedi le boraro, o ne a lalediwa go nna mongwe wa dibui tse tharo tse di neng di gakolola dialogane kwa [[Georgetown School of Foreign Service]], ene le [[Daria Navalnaya]] le [[Debra Tice]].<ref name=":2" /><ref>Berg, Matt; Hawkins, Ari (2023-05-19). [https://www.politico.com/newsletters/national-security-daily/2023/05/19/georgetown-invited-navalnys-kid-to-commencement-chaos-followed-00097832 "Georgetown invited Navalny's kid to commencement. 'Chaos' followed".] ''POLITICO''. Retrieved 10 August 2026</ref>
== Botshelo jwa gagwe ==
Mawarire le mosadi wa gagwe Samantha ba na le bana ba le bararo.<ref name=":0" /><ref name=":1" />
== Metswedi ==
{{reflist}}
7yclqs3rkjju0xbvz7m5jtlhnps2dst